Hebrews 5

Motho ga a itlhophe

1Moperesiti yo mogolo wa Sejuta ke motho fela jaaka mongwe le mongwe, mme o tlhophetswe go buelela batho botlhe le Modimo mo ditirong tsa bone. 2O neela Modimo dimpho tsa bone ebile o o abela madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo go bipa dibe tsa batho le tsa gagwe ka sebele. 3Mme ka ntlha ya gore ke motho, o ka neneketsa batho ba bangwe sentle, le fa ba le dieleele ba sa itse sepe, gonne le ene o dikaganyeditswe ke tsone dithaelo tseo ebile o tlhaloganya mathata a bone sentle thata.

4Selo se sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa ke se, ga go na motho ope yo o ka nnang moperesiti yo mogolo fela ka ntlha ya gore o batla go nna ene. O tshwanetse go bilediwa tiro e ke Modimo fela jaaka o ne wa bitsa Arone.

5Ke gone ka moo Keresete a neng a seka a itlhopha go nna mo tlotlong ya go nna Moperesiti yo mogolo; nnyaa, o ne a tlhophiwa ke Modimo. Modimo o ne wa mo raya wa re, “Morwaaka, gompieno ke go tlotlile.” 6Gape ka nako e nngwe o ne wa mo raya wa re, “O tlhophilwe go nna moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a le mangwe fela a boperesiti le Melekisedeke.”

7Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe.

8Mme le fa Jesu a ne a le Morwa Modimo, o ne a tshwanetse go ithuta ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela gore go ikoba go ne go utlwala jang, fa go ikoba go ne go raya go boga. 9Erile a sena go itshupa fa a itekanetse mo maitemogelong a gagwe, Jesu a nna Moabi wa Poloko ya bosakhutleng mo go botlhe ba ba mo ikobelang. 10Gonne gakologelwang gore Modimo o mo tlhophile go nna Moperesiti yo Mogolo a lekana le Melekisedeke ka maemo.

11Go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke eletsa go di bua mo go one mabaka a, mme o ka re ga lo a reetsa, jalo go thata go lo dira gore lo tlhaloganye.

12
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bahebera 5:13.
13
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bahebera 5:12-13.
Ga lo bolo go nna Bakeresete ka lobaka lo lo leele jaanong, e bile lo tshwanetse lo ka bo lo ruta ba bangwe, mme mo boemong jwa moo lo boetse kwa morago kwa maemong a lo tlhokang mongwe go ipuseletsa go lo ruta gape metheo ya ntlha ka Lefoko la Modim. Lo tshwana le bananyana ba ba ka nwang mashi fela, ba sa gola mo go lekanyeng go ja dijo tse di loileng. Mme fa motho a santse a tshela ka mashi fela go supa gore ga a ise a gatele pele thata mo botshelong jwa Sekeresete, ebile ga a itse thata ka pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula. E santse e le Mokeresete yo mmotlana fela!
14Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo.
Copyright information for TsnLEF